Revelation of John 22

Noka ya metsi a botshelo

1Mme a ntshupegetsa noka ya metse a a itshekileng a Botshelo, a le phepa jaaka legakwa, a elela a tswa mo setilong sa Bogosi sa Modimo le sa Kwana, 2a fologela ka mmila o mo tona. Mo ntlheng e nngwe le e nngwe ya noka ga bo go tlhogile ditlhare tsa Botshelo di na le dikungo di le lesome le bobedi, di ungwa dikungo tse di itekanetseng kgwedi le kgwedi; matlhare a tsone a ne a dirisiwa e le molemo go alafa dichaba.

3Ga go kitla go nna le sepe mo motseng se se bosula; gonne setilo sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana di tlaa bo di le gone, mme batlhanka ba gagwe ba tlaa mo obamela. 4Mme ba tlaa bona sefatlhogo sa gagwe; mme leina la gagwe le tlaa kwalwa mo diphatleng tsa bone.

5Mme ga go kitla go nna bosigo gone, ga go tlhokege dipone kgotsa letsatsi, gonne Morena Modimo o tlaa nna lesedi la bone; mme ba tlaa busa ka bosakhutleng.

Tlhomamiso ya mafoko

6
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Tshenolo 22:7.
7
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Tshenolo 22:6-7.
Mme moengele a nthaya a re, “Mafoko a a Boikanyo le Boammaaruri; ‘Ke e tla ka bonako!’ Modimo, o o bolelelang baporofiti ba one se se diragalang mo lobakeng lo lo tlang, o rometse moengele wa one go go bolelela se se tlaa tlogang se diragala. Go sego ba ba se dumelang le botlhe ba ba kwadilweng mo lokwalong lo lo mennweng.”

8Nna, Johane ke bonye, e bile ke utlwile dilo tse tsotlhe, mme ke ne ka wela fa fatshe go obamela moengele yo o neng a di mpontsha; 9mme a nthaya gape a re, “Nnyaa, se dire sepe se se ntseng jalo. Le nna ke motlhanka wa ga Jesu jaaka wena, le jaaka bomorwa rrago ba ntse, le botlhe ba ba bolokileng boammaaruri jo bo kwadilweng mo lokwalong lo. Ba obamela Modimo o le osi.” 10Mme a ntaela a re, “O se ka wa tswalela se o se kwadileng, gonne nako ya tiragatso e atametse. 11Mme e tlaa re fa lobaka loo lo tla, botlhe ba ba dirang bosula ba tlaa bo dira go fetisisa; yo o leswe o tlaa nna leswe thata, batho ba ba siameng ba tla siama thata; ba ba boitshepo ba tlaa tswelela mo boitshepong jo bogola.”

12“Bonang, ke e tla ka bonako, mme ke tshotse tuelo ya me, go duela mongwe le mongwe ka fa ditirong tse a di dirileng.

13“Ke nna, Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo, wa Ntlha le wa Bofelo. 14Go sego botlhe ba ba tlhatswitseng dikobo tsa bone, go nna le tshwanelo ya go tsena ka dikgoro tsa motse, le go ja loungo lwa setlhare sa Botshelo.

15“Kwa ntle ga motse go na le ba ba ikgogonneng mo Modimong, le baloi le diaka le babolai le baobamedi ba medimo ya disetwa, le botlhe ba ba ratang, maaka, le go a bua. 16Nna Jesu, ke rometse moengele wa me kwa go lona go bolelela diphuthego dilo tse tsotlhe. Ke nna modi wa ga Dafide le wa lotso lwa gagwe. Ke Naledi ya Moso e e phatsimang.”

17Mme mowa le monyadiwa ba re, “Tla” A mongwe le mongwe wa lona yo o ba utlwang le ene a re, “Tla” A yo o nyorilweng a tle, mongwe le mongwe yo o batlang go tla; a a tle, a tle go nwa metse a botshelo kwa ntle ga theko. 18Mme ke bolelela mongwe le mongwe ka tlhwaafalo yo o balang lokwalo lo: go re, fa mongwe a oketsa mo go se se kwadilweng fa, Modimo o tlaa mo okeletsa dipetso tse di boletsweng mo lokwalong lo. 19Mme fa mongwe a fokotsa bontlha bongwe jwa diporofeso tse, Modimo o tlaa tlosa seabe sa gagwe mo setlhareng sa Botshelo, le mo motseng o o Boitshepo jaaka go boletswe.

20Ene yo o buileng dilo tse tsotlhe a re, “Ee, ke e tla ka bonako!” Amen! Tla, Morena Jesu!

21A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. Amen!
Copyright information for TsnLEF